4月18日新股申购提示:周大生将于明日申购 周大
Anna "Kakurukaze" Mungunda (1932–10 Sedimonthole 1959) e ne e le mosadi wa Namibia wa lotso lwa Baherero. E ne e le ene fela mosadi mo gare ga batho ba ba neng ba bolawa ka nako tsa mogwanto wa Old Location kwa Windhoek ka Sedimonthole e tlhola malatsi a le lesome 1959. Fa e sa le Namibia e bona boipuso ka Mopitlo e tlhola malatsi ale masome a mabedi le bongwe 1990, Mungunda o tsewa e le mongwe wa bagaka ba set?haba sa Namibia.[1][2]
Mungunda o tshotswe ka 1932 ke modiri yo neng a fudugile wa Theopoldt Shivute le Emilia Kavezeri, setlogolo sa ga Hosea Kutako. O ne a na le bana ba bararo ba botlhe ba neng ba tlhokafala ba sa ntse ba le masea.[3]
Metswedi ga e dumalane ka se se diragetseng ka Mungunda, yo o neng a thapilwe jaaka modiri wa mo gae, ka letsatsi la kgoberego ya Old Location. Go begwa gore go thuntshiwa ga morwawe yo o esi,[4] Kaaronda Mungunda,[5] go ne ga mo galefisa thata mo a neng a tabogela kwa koloing ya motsamaisi mongwe wa maemo a a kwa godimo, a e tshela leokwane, mme a e tshuba. Koloi e ne e le ya ga ratoropo Jaap Snyman kgotsa ya ga Mookamedi wa Sepodisi sa Lefelo la Bogologolo de Wet.[4][6] Dikoloi tseo ka bobedi di ne tsa tshubiwa ka nako ya pontsho.[5] O ne a thuntshiwa ka nako ya tiro eno kgotsa ka bonako fela morago ga yone.[1][7]
Anna Mungunda ke mongwe wa bagaka ba boset?haba ba le borobabongwe ba Namibia ba ba supilweng kwa tshimololong ya Acre ya Bagaka ya lefatshe le gaufi le Windhoek. Tautona yo o simolotseng Sam Nujoma o ne a tshwaela mo puong ya gagwe ya go tlhongwa ka 26 Phatwe e tlhola malatsi ale masome a mabedi le borataro 2002 gore:
Ka letsatsi leo le le botlhoko [la go tsuologa ga Old Location], go ne ga bolawa badiraditshupetso ba le masome a mabedi le bobedi ba ba neng ba na le kagiso mme ba bangwe ba ba fetang masome a matlhano ba ne ba gobala. Fa ba lebane le bosetlhogo jo, lekgarebe le le pelokgale le le sa boifeng le le bidiwang Kakurukaze Mungunda le ne la supa bopelokgale le bogale jwa lone ka go tshuba koloi ya ga De Wet yo e neng e le mookamedi wa Lefelo la Bogologolo la Windhoek. O ne a thuntshiwa gone foo mme a Bolawa ka tsela e e setlhogo ke mapodisi a Aforika Borwa a a gatelelang tlhaolele. Mowa wa gagwe wa phetogo le segopotso sa gagwe ya ponelopele re mo tlotla ka boikokobetso.[8]
Mungunda o tlotliwa ka tsela ya letlapa la lebitla la granite le le nang le leina la gawe le le gabilweng leina le gagwe le setshwantsho sa gagwe mo letlapeng.[8][9] Ka 2024, toropo ya Berlin e ne ya fetola leina la karolo ya Petersallee mo Afrikanishes Viertel Anna-Mugunda-Alleee.[10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ 1.0 1.1 "Namibia Heroes and Heroines". namibia-1on1.com. Archived from the original on 27 February 2009. Retrieved 2025-08-07
- ↑ "GERMANY: Berlin to scrap street names glorying colonial past - Daily Trust". dailytrust.com/. 13 April 2018. Retrieved 2025-08-07
- ↑ Simasiku, Regina (24 April 2015). "The Woman from nowhere: Anna Mungunda (1932–1959)". New Era. Celebrating Our Heroes And Heroines. p. 7.
- ↑ 4.0 4.1 "International Human Rights Day". namibia-1on1.com. Archived from the original on 16 February 2009. Retrieved 2025-08-07
- ↑ 5.0 5.1 Angula, Nahas (10 December 2010). "Old location massacre: the spark that ignited the struggle for national independence". Speeches of the Prime Minister. Government of Namibia. Archived from the original on 29 November 2012.
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, S (entry for Snyman, Jacobus van Deventer)". www.klausdierks.com. Retrieved 2025-08-07
- ↑ Tjingaete, Rukee (28 February 1995). "Guerilla [sic] Movements' influence on the growth of the new Social Movements in the Periphery: a study of the SWAPO women". Namnet Digest. 95 (11). via Hartfort Web Publishing.
- ↑ 8.0 8.1 Nujoma, Sam (26 August 2002). "Heroes' Acre Namibia Opening Ceremony – inaugural speech". via namibia-1on1.com.
- ↑ Melber, Henning (7 December 2023). "Apartheid in Namibia: why human rights and women are celebrated on the same day". The Conversation. Retrieved 2025-08-07
- ↑ "Petersallee hei?t nun Anna-Mungunda-Allee". tagesschau. 23 August 2024. Retrieved 2025-08-07
- Mafatshe a Aforika
- Dintsho tsa 1932
- Dintsho tsa 1959
- Batho ba Baherero
- Balweladitshwanelo ba Aforika Borwa Bophirima ba ba kgatlhanong le tlhaolele
- Bagaka ba boset?haba ba Namibia
- Dintsho tsa tlhobolo kwa Namibia
- Badiri ba mo gae ba Namibia
- Batho ba Namibia ba lekgolo la bomasome a mabedi la dingwaga
- Basadi ba Namibia ba ba lekgolo la bo masome a mabedi
- Bomme ba Namibia